Grade 12 Setswana First Additional Language Past Paper 1

grade 12 [SETSWANA] past papers and memoS

Setswana First Additional Language Paper 1 2020

DITAELO LE TSHEDIMOSETSO

  1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO e leng A, B le C.
    KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30)
    KAROLO YA B:  Tshobokanyo (10)
    KAROLO YA C:Tiriso ya puo (40)

  2. Araba dipotso TSOTLHE.

  3. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA.

  4. Thala mola morago ga KAROLO NNGWE le NNGWE.

  5. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe.

  6. Tlogela mola mo magareng ga dikarabo tsa gago.
  7. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.

  8. Nako e e tshitshinngwang:
    KAROLO YA A: Metsotso e le 50
    KAROLO YA B: Metsotso e le 20
    KAROLO YA C: Metsotso e le 50

  9. Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang.

KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1

1.1. Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso.


TEMANA A

  1. Mo mosong wa Diphalane 2004 e ne e le ka Lamatlhatso, bana ba ne ba ya go reka ditlhako kwa lebenkeleng la ‘Pep’ le le neng le se kgakala le kwa ba nnang teng. Ba tlogile mo ntlong magareng ga ura ya borobedi le ya borobongwe. Morago ga gore ba tsamae, mmaabona o ne a ya kwa toropong, mme a boa ka ura ya lesome le bongwe, o ne a gakgamatswa ke gore ga a ba fitlhela fa a boa kwa toropong. O ne a ipolelela gore ba tla goroga mo nakong e e sa fediseng pelo, mme ga go a ka ga nna jalo.
  2. Fa Adam a boa kwa ngakeng ka nako ya dijo tsa motshegare, o ne a fitlhela Miena a sa itumela. Miena le monna wa gagwe ba ne ba tswa letsholo go batlana le bana ba bona. Ba ile kwa lebenkeleng le bana ba neng ba ile kwa go lona, mme ba se ba fitlhele, ba ya le kwa mabenkeleng a a neng a le fa gaufi ya nna tsho kwa ga motshodi, mme ba bona go le botoka go ya kwa maphodiseng. Ba ne ba tsamaya le maphodisa, mme ga go a thusa sepe, bana ba ne ba sa bonale.
  3. Ka Mosupologo, Miena le monna wa gagwe e leng Adam ba ne ba ya kwa sekolong go bega fa bana ba timetse. Mongwe wa baithuti o ne a ba bolelela fa a ba bone kwa mabenkeleng ba na le mosadi mongwe, mme moragonyana a ba bona gape kwa sepetlele sa George le ena mosadi yoo gape. Go ne ga nna le magatwegatwe a gore ba ba bone ka Lamatlhatso kwa Blanco, dikilometara di le lesome go tswa kwa ba nnang teng.
  4. Mosadi yo o ne a bonwa, a bodiwa dipotso, mme naga ya nna e ntse e le tshetlha. Go ne ga nna le moputso wa madi a a kana ka R80 000 kwa sephodiseng le ba mmasepala, mme ga go na ope yo o tlileng ka tshedimosetso. Miena o ipotsa gore bana ba gagwe ba ja eng, a ba apere diaparo tse di bothito le gore a ba itekanetse. Bana ba gagwe e leng Werne (20) le Dominick ke bona ba Miena a nnang a ikgomotsa ka bona.
  5. Setshwantsho se se tlhagelelang mo borokong e ne e ka re ke nnete: bana ba gagwe ba ne ba ntse ka fa ntle, ba gatsetse e bile ba tshwerwe ke tlala, ba mo emetse gore a tle go ba tsaya, a ba tlhokomele. Miena Carlus a sianela kwa ntle, a fitlha a bula mojako, mme a fitlhela go se na motho. O ne a sala a le lolea le go ipotsa dipotso tse a saleng a ipotsa tsona dingwaga di le lesometlhano tse di fetileng.
  6. Go timela ga Simia, Elrenzo Geraldo Carolus le Andre Adams go ne ga tlalatlala mo dikgannyeng. Tiragalo e, e ne ya tlhorontsha baagi ba motsana wa Conville kwa George kwa porofenseng ya Kapa-Botlhaba. Ba ne ba nna ka letshogo la gore fa go na le motho yo o utswang bana, o ne a ka nna a boa nako nngwe le nngwe.
  7. Batsadi ba ne ba tshela mo letshogong, ba tlhola ba disitse bana ba bona le maphodisa a tswile letsholo la go batlana le bana ba ga Miena ba ba latlhegileng, mme morago ga dingwaga tse di fetang lesome, go sa ntse go se na motlhala wa bana bao. Batho ba tsweletse ka matshelo a bona, mme Miena ga a na boikhutso mo moyeng.
  8. Ngwaga mongwe le mongwe e nna segopotso se se botlhoko mo go Miena. Ka matsatsi a matsalo a bana ba gagwe le ka Keresemose e nna segopotso sa gore ga ba teng go bula dimpho tsa bona. Mosadi yo ga a batle go latlha tshepo ya gore ka tsatsi lengwe boraro jo bo tlile go boa fa gae. O ganeletse mo tshepong ya gore ka tsatsi lengwe go tla nna le mongwe yo o ka tlang ka tshedimosetso ya go rarabolola bothata jwa go timela ga bana ba gagwe.

Leba TEMANA 1:

1.1.1. Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D.
Bana ba Miena ba latlhegile ka:
A) Diphala 2004
B) Phalane 2004
C) Diphalane 2014
D) Diphalane 2004 (1)

1.1.2. Bana ba, ba ne ba ya go reka eng kwa lebenkeleng? (1)

1.1.3. Miena o lemogile leng gore bana ga ba teng? (1)

1.1.4. Adam o lemogile ka eng gore go sengwe se se sa siamang mo lelapeng? (2)

Leba TEMANA 2:

1.1.5. Miena le Adam ba ne ba dira jang gore ba bone thuso? (2)

Leba TEMANA 3

1.1.6. Go tsere malatsi a le makae pele Miena le Adam ba bega kwa sekolong gore bana ba latlhegile? (1)

1.1.7. Ke mafelo afe a MABEDI a mongwe wa baithuti a boneng bana ba ba latlhegileng kwa go ona (2)

Leba TEMANA 4

1.1.8. Mmuso o lekile jang go thusa Miena? (2)

Leba TEMANA 5:

1.1.9. Tlhalosa toro ya ga Miena. (2)

Leba TEMANA 6:

1.1.10. Baagi ba Conville ba ne ba tlhorontshitswe ke tiragalo efe? (2)

1.1.11. Maikutlo a gago ke afe ka batho ba ba utswang bana? (2)

Leba TEMANA 7:

1.1.12. Goreng baagi ba Conville ba ne ba tshelela mo letshogong? (2)

Leba TEMANA 8

1.1.13. Miena o ne a na le tshepo ya gore ka letsatsi lengwe o tla bona bana ba gagwe. A se ke ntlha kgotsa kakanyo? Tshegetsa ka lebaka. (2)

1.1.14. Go roma bana kwa lebenkeleng ba le nosi go tliseditse Miena bothata jang? (2)

1.2. Sekaseka setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso.


TEMANA B

1.2.1. Monna yo o mo sekepeng o leka go dira eng?

(1)

1.2.2. Lebaka le le tlhodileng gore monna a nne kwa godimo ga sejanaga ke lefe (1)

1.2.3. Neela ditlamorago di le PEDI tse di ka bakiwang ke morwalela. (2)

1.2.4. Fa e ne e le sejanaga sa gago se leng mo morwaleleng, o ne o ka dira eng? (2)

PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30

 

KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2

Buisa temana e e latelang (TEMANA C), mme morago o kwale tshobokanyo ka go ntsha dintlha di le SUPA ka ga go tlogela motsoko.

DITAELO

  1. Kwala dipolelo tse di nang le dintlha di le SUPA, mme mafoko a gago a se ke a feta masomeasupa (70).
  2. Dinomoro tsa dipolelo di kwalwe go simolola ka 1–7.
  3. Kwala ntlha e le NNGWE mo polelong.
  4. Kwala ka mafoko a gago mo go kgonegang, mme o sa fetole bokao jwa temana.
  5. Kwala palogotlhe ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo.


TEMANA C

PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10

 

KAROLO YA C: TIRISO YA PUO POTSO 3

Sekaseka papatso e e latelang, mme morago o arabe dipotso.


TEMANA D

3.1. Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D.
Motshameko o o mo papatsong e, o tla ga kae mo ngwageng?
A) Gabedi
B) Gararo
C) Gangwe
D) Gane (1)

3.2. Mofenyi o tla ikgapela eng mo kgaisanong e e mo papatsong? (1)

3.3. Papatso e e sekametse mo letlhakoreng le le lengwe. A ke ntlha kgotsa
kakanyo? Tshegetsa ka lebaka. (2)

3.4. Kwala lefoko ‘kgaisano’ mo bontsing o be o le dirisa mo polelong e o e itlhametseng. (2)

3.5. Fetolela polelo e e latelang mo kganetsong.
Tsenela kgaisano. (2)

3.6. Lefoko le le ntshofaditsweng mo papetlaneng ya 1 ke karolo efe ya puo? (1)

3.7. Phenyo ya sejanaga e bonwa mo lenaneong lefe (1)

[10]

POTSO 4

Sekaseka khathunu e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

4.1. Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D.
Leina ‘ditshipi’ le dirisitswe jang mo polelong e e latelang?
Didiriswa tsa ditshipi ga di a letlelelwa.
A) Letlhaodi
B) Lediri
C) Thuanyi
D) Thui (1)

4.2. Ke ka ntlha ya eng batho ba ba mo setshwantshong ba apere sesireletsamarumo? (2)

4.3. Siamisa mopeleto wa lefoko le le thaletsweng ka fa tlase. (1)

4.4. Fetolela polelo e e latelang mo tumelong.
Didiriswa tsa ditshipi ga di a letlelelwa. (2)

4.5. Mo puduleng ya ntlha le ya bobedi ke efe e e bontshang fa go le modumo? (1)


POTSO 5

5.1. Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso.


TEMANA F

E ne e le ka nako ya mampa a kolobe ka Labotlhano, ditiro di tlogetswe. Mosimane Kedibonye ka a ne a sa rate go nna ka diatla e bo e le yona nako ya go baakanya dilo mo ntlong e a neng a e adimile ka khiro go robala mo go yona.

Botshelo jwa toropo ke jwa toropo, ga go na gore mogaeno o ka go adima ntlo ya borobalo fela, o tshwanetse go mo tshwarisa sengwe ntswa mo malobeng go ne go sa nna jalo. Go ne go le teng gore motho o ka go thusa fela kwa ntle ga tefo. Fa gongwe, a go itse kgotsa a sa go itse, e le la ntlha le kopana. Gore a se ka a kobiwa mo ntlong e, o ne a tshwanetse go e dira phepa ka dinako tsotlhe. A e phepafatse ka fa ntle le ka fa teng. Gongwe go be go twe a kgabise logora lwa yona la bothale ka dithunya le tse dingwe. Fa e ne e le mongwe o ka bo a ne a itsa batho go tsena teng ka go tshaba ona matsapa a, mme, kae, go ne go tsenwa fela ka kgololesego.

5.1.1. Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D.
Bokao jwa mampa a kolobe ke …
A) bosigo.
B) phakela.
C) motshegare.
D) hapama. (1)

5.1.2. Nyenyefatsa lefoko ‘botshelo’ o bo o le dirise mo polelong e o e itlhametseng. (2)

5.1.3. Neela lekaelagongwe la lefoko ‘kopana’. (1)

5.1.4. Tshwaraganya dipolelo di le PEDI tse di latelang ka lekopanyi ‘gore’.
Bana ba ja bogobe. Bana ba a kgora. (2)

5.1.5. ‘Tsotlhe’ ke mofuta ofe wa letlhophi? (1)

5.1.6. Neela bongwe jwa lefoko ‘dithunya’. (1)

5.1.7. Dirisa letlhalosi ‘mo malobeng’ mo polelong e o e itlhametseng. (2)

5.1.8. Bopa polelo e e nang le leemedi ‘yona’. (2)

5.1.9. Tlhama seane ka leina ‘motho’. (2)


5.2.
Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso.


TEMANA G

5.2.1. Kwala polelo e e latelang go nna pakatlang.
Ke tshwere lematla la kgomo e sia ka namane. (2)

5.2.2. Dirisa leina ‘morutabana’ jaaka sediri sa polelo. (2)

5.2.3. Lesupi le le thaletsweng mo polelong e e latelang ke la maemo a bokae?
Magareng ga tse dingwe ke ka ntlha ya molao o. (1)

5.2.4. Fetolela lefoko ‘ruta’ mo tirweng. (1)

[20]
PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 40
PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 80